dipolelwana

In an effort to stimulate my creativity, while preserving my other primary language, I have set up this page where I will write short stories in Setswana. 

Se Ileng Se a bo Se Ile

Published 4 November 2018

“A o tsamaya fela o sa ja sepe he ntate?” Ditshotlego a botsa Mompoloki. “Ga ke a tshwarwa ke tlala,” mosimane a fetola mmaagwe a setse a tswa ka kgoro. “Ao ngwanaka, a o raya gore ebile o setse o emelela? A ga o emele letsatsi go tlhaba bogolo?” Le go mo utlwa ga a mo utlwa, ditsebe di thibilwe ke seromamowa sa gagwe mosimane. Ditshotlego o ne a tshwenyega ka pabalesego ya ngwana wa gagwe. O ne a ne a sa le a emeletse letsatsi le e ise le tlhabe mme a boe le sa bolo go phirima. E le gore sa ga Mompoloki sekolo e ne e le sefe fa baithuti ka ene ba ne ba fetela sekolong letsatsi le tlhabile, a bo ba boe ka tshokologo. E re ntswa a ne a tshoga gore o tla tswa konyana e e senang boboa, Ditshotlego o ne a kubuga moso mongwe le mongwe go baakanyetsa Mompoloki metsi a a tlhapang, le sefitlholo, gore a tsamaye a tshwere logaba. Fa e sa le mogatse a ba tlogela mo lehumeng la nta ya tlhogo fa badimo ba mmitsa, Ditshotlego o ne a beile mo go Mompoloki go mo tlhatswa leswe la lehuma.

* * *

“O robetse Ditshotlego,” lentswe la ga kgaitsadie, Onthusitse, la utlwala mo mogaleng. A baa mogala fa fatshe a bo a tlerebetsa ka setshego. A e ne e le setshego kana o ne a lela? “Ao mama mma, o ka a swa fela motlhofo tlhofo fela jalo? Kana ke ne ke tloga ke fetsa sekolo a bo botshelo jwa rona bo tokafala. Ke ne ke tloga ke simolola go bereka a bo ke go kgona go go duelelela bongaka jwa maemo.” A simolola go lela! Mompoloki o ne a na le dingwaga tse thataro a ile sekolong kwa mafatsheng a a tsididi. O ne a emeletse ka pelo e e bokete ka Ditshotlego a ne a gateletswe ke bolwetse jo bo sa tlhaloganyesegeng. Fa tsela e thatafala, o ne a tle a ikgomotse ka gore o ithutela gore a tle a kgone go ntsha mmaagwe mo tshotlegong ya lehuma. Ka lesego o ne a sa tsalwa a le nosi, o ne a na le kgaitsadie o a neng a tlhokomela mmaabone. E rile a fetsa go se gamola, ke fa a ipaakanyetsa mosepele o moleele go boela gae go ya go buledisa motsadi wa gagwe.

Fa sefofane sa Emirates 229 go tswa mo Seattle se leba Dubai se emelela, ke fa tlhaloganyo ya ga Mompoloki e tshwara kwa e lesa kwa. “A tota a mama o ne a itse gore ke mo rata go le e kae?” A botsa mokapelo wa gagwe Lesedi. “Kana nna le mama re ne re senke re bua ka maikutlo a rona, le ntswa re ne re utlwana.” “O a itse gore o ne o mo rata!” Lesedi a leka go mo gomotsa. “Mama o ne a nthata ka lorato lo ke iseng ke lo bone gope gape. O seka wa bona re ne re le bahumanegi ba nta e tshetlha jaana, mosadi yo o ne a ntshentseng. Dingwaga tsa me tsotlhe tsa bonana, ga ke itse ke itlhatleele metsi a go tlhapa. Paka ya me ya sekolo e ne e nna e le phepa. O ne a omana fa borakgadi ba batla go mperekisa ke na le tiro ya sekolo e ntsi.” A ema sebakanyana. “Ke gopola maitseboa le maitseboa fa a tlhatswa dijana re ne re tle re ngange ka dikgang di le mmalwa. Pelo ya me e botlhoko gore o re tlogetse a ise a bone gore botlhogoethata jwa me bo ne ikepetse mo nneteng. Kana o ne a tsile go go rata gore. Ke a go nyadisiwa ke mang jaanong?”

Maru a mantsho a ne a apesitse lefatshe mo mosong wa Matlhatso. Kwa mabitleng a motse go ne go sena fa motho a ka gatang teng, motse otlhe wa Diphiring o tsile go buledisa Ditshotlego. Babui botlhe mo phitlhong ba ne ba sa kgale mathe go bua ka lorato, bopelonomi, le boagisanyo jwa ga Ditshotlego. E rile ba mo golosetsa fa tlase, go mo robatsa mo motlaaganeng wa gagwe wa bofelo, Onthusitse a thubega ka selelo se se neng se garola pelo. Mompoloki le Lesedi bone ba ne ba setse kwa lolwapeng, lekolwane le sa bolo go idibala fa go bonwa moswi. “Ngwana wa kgaitsadiaka, itlhoboge o ile mmaago. Se ileng se a bo se ile. Ga go na sepe se o ka tlholang o se dira go mmusa. Gomotsega!” A leba rakgadiagwe ka matlho a mahibidu, keledi ya bofelo ya rotha!

Lehuma Leswe

Published 20 October 2018

“Mmotlana! Ema fa,” Otlaadisa a tlhaeletsa Mothusi. Matlho a mokola a ne a le mo lokwalong lo a neng a lo bala a tsamaya. “O tla thulwa ke dikoloi,” Otlaadisa a akgela Mothusi a sena go lemoga fa a leka go bua le ene. O ne a ntsha ditshamekapina mo ditsebeng tsa gagwe. “OT! O a nkitse gore ke bala ke tsamaya” a mo kgwa kgaba. Mothusi e ne e le ngwana yo batsadi le barutabana ba motsana wa Diphiring ba neng ba le motlotlo ka ene. O ne a le maitseo, a le phepa, ebile e le moithuti wa tlhotlhwa. “Ke pitlagane mmotlana, a ga o kake wa nkadima lekgolo foo? Ke tla le busa beke e tlang ke sena go fetsa go rulela ntlo ya ga Mma Ontiretse” ga itela Otlaadisa. Mothusi a nyenya. Ke fa a ntsha bukana e tshetlha mo kgetsaneng ya gagwe ya dibuka. A pitikolola ditsebe tsa buka e go senka tsebe e sa kwalelwang sepe. Ditsebe tsa buka e ne di ne di tletse dipalo le maina a batho. 

* * *

Mogokgo wa sekolo se segolwane sa Diphiring le barutabana ba gagwe ba ne ba tlhophile Mothusi go nna moeteledipele wa baithuti botlhe. Bophepa, maitseo, le bonatla jwa gagwe di ne di ba kgatlhile. Maikarabelo a matona a ga Mothusi e ne e le go thusa barutabana go tlhomamisa fa baithuti ba ne ba obamela melao ya sekolo. Mothusi o ne a lemogile fa go na le baithuti bangwe ba ba neng ba rekisa dimonamone mo sekolong le mororo go ne go sa letlelelwe. Bontsi jwa baithuti ba, e ne le bana ba ntlo ya lehuma. Mothusi o ne a tlhaloganya seemo sa bone ka gore lehuma o ne a sa le bolelwe ke motho. O ne a itse botlhoko jwa go lala mala a patagane. Fa e sa le rraagwe a tlhokafala dingwaga tse di lesome tse di fetileng, mmaagwe Mothusi o ne a gama a ikotelela. Loruonyana lwa ga rraagwe bomonnawe ba sa le ba re di jelwe ke bophokoje morago ga phitlho. Mothusi o ne a tlelwa ke leano la go dira madi kwa sekolong le ene. Mathata o ne a le boi a sa batle go roba melao ya sekolo. Segolo bogolo ka a ne a tshephiwa mo go kanakana.

“Leano la me le motlhofo,” Mothusi a tlotlela Thabo le Kabelo. “Lo nneela madi a lona, re adimisa batho ka morokotso wa masome a mararo le botlhano mo lekgolong”. Thabo le Kabelo e ne e le bana ba dishabi ebile e le ditsala tsa ga Mothusi. Mothusi o ne a ba bolelela leano la gagwe la go dira madi. O ne a lemogile fa baithuti ba ba rekisang dimonamone ba ne ba tle ba rekisetsa baithuti ba ba senang madi ka sekoloto. Maikaelelo e ne e le go ba emisa go kolotisa batho. Batho ba ba neng ba a go kolota, ba tla bo ba romelwa kwa go ene go ba adima madi ka morokotso. Ka jalo barekisi ba dimonamone ba tswelela ba rekisa, fa Mothusi le lekoko la gagwe ba dira madi ka morokotso. Erile Mothusi a bontsha Thabo le Kabelo madi a ba a ka a dirang ka beke fela fa kgwebo e tsweletse, ba se ka ba diega go mo neela dipula di le masome a supa le botlhano. 

“Thuso, kana go tshola le go goga motokwane ga go letlelelwe mo sekolong ebile o ka ya kgolegelong lobaka lo loleele,” ga bua Mothusi. Go ne go le Mosupologo maphakela. Paka ya gagwe ya sekolo e ne e gatisitswe, ditlhako di phatsima o ka re seipone, le moriri wa gagwe o o dingalo a o kamile, ebile a kgamile katse. Thuso ene o ne a apere hempe e e tshutshumang jaaka thamo ya gagwe, ditlhako o ka re di kopane le diphefo tsa Phatwe, fa moriri o le dikgobe tse di ka robang kamo meno. “Ke tla go shapa o tle o phaphe!” ga fetola Thuso ka boikgantsho. “O lebetse thupa ya ga mogokgo?” ga fetola Mothusi a wetse dibete. “Gape ke kanna ka raya Kganka a tla go mpuela le wena”. Kganka o ne a tshabega sekolo sotlhe. Mothusi o ne a lemoga fa go na le batho ba ba mo tsenyang dingalo go mo duela fa ba adimile madi. Ka jalo o ne a tshosetsa Kganka le Thuso gore ba tle ba mo kgerisetse batho ba ba sa batleng go mo duela. 

“O seka wa mpolaya tlhe nnaka,” Otlaadisa a ikuela fa Mothusi a santse a senka tsebe e e sa kwalelang sepe. “O raya jang jaanong?” Mothusi a botsa. “A o raya gore ga o fokotse morokotso. Masome a mabedi mo lekgolong bogolo?” Otlaadisa a tswelela. Kgwebo ya go adimisa madi e ne e atlegile thata. Mothusi o ne a buseditse Thabo le Kabelo madi a bone a menagane ga tlhano. O ne a simolotse go adimisa kwa ntle ga sekolo. O ne a lemogile fa batho ba motse ba ne ba adima madi a magolwane mme ebile ba duela mo go nametsang. Gangwe le gape o ne a tle a latlhelele Kganka le Thuso sengwenyana. A fetsa le Otlaadisa, ba baya menwana mo tsebeng ya buka, a bo a tswelela le mosepele wa gagwe Mothusi. Matlho a ngaparetse buka gape. O ne a itse gore thuto e tsile go mo ntsha mo lehumeng. O ne a nyenya fa a gopola mafoko a ga mmaagwe a metlha yotlhe, “Lehuma ga se lobadi, ke leswe le a tlhapega”.

Fa Le Phirima

Published 14 October 2018

“Ke motho fela ga go gontsi mo ke ka go go neelang, mme pelo ya me o ka e tsaya yotlhe,” ga fetola Kabo a sutlha keledi mo lerameng la mokapelo wa gagwe Merapelo. Bobedi jo bo ne bo ntse mo setilong fa lotshitshing lwa lewatle. Ngwedi o ne a tlhapile, dinaledi le tsone di sa batle go jesa dithaga mabele a kwa ga tsone. Makhubu mo lewatleng a ne a wa a bo a tsoga ka iketlo. E rile a mo kgwa kgaba, mosetswana a re, “Tanki tlhe rra wena, ke ne ke sa solofela fa o tsile go tlhaloganya jaana.” Maikutlo a ne a ile godimo, mafoko a ba feletse tlhaeng. Go ne ga feta metsotswana ba atlane ka tidimalo. Le phefo e e serame e e neng e foka e ne e ka seke ya ba tsena gare. “Tladimothwana?” “Ao rra, nna ebile o ne o mphedisa pelo!”

* * *

Dikeledi tse di neng di itshekile matlhong a ga Kabo tsa wa fa kgaitsadie, Boitumelo, a mmotsa gore a tsotlhe di apere tshiamo. Boitumelo o ne a sa jisiwe (jesiwe?) diwelang ke bodutu jo bo sa tlwaelesegang jo bo neng bo okame Kabo. Monyenyo wa go ka kgaphisa letsatsi sethitho o sefatlhego sa gagwe se o aparang ka metlha o ne o nyeletse. “Merapelo o dule le tsa ga Ramotadima,” a fetola. “Uhu! E le gore o a bo o rileng ngwana wa batho?” ga botsa Boitumelo. Kabo a tshikhinya tlhogo a bo o tswela kwa ntle go ya go iphokisa phefo. O ne a sa itse gore a arabe kgaitsadie jang. Mo ntlheng e nngwe, o ne a tlhaloganya gore kgaitsadie o buisiwa ke gore batho ba borre ba ne ba dirile go tshameka ka maikutlo a bomme selo modiro. Mme ka fa, o ne a tlalelwa fa a gopola gore mokapelo wa gagwe o ketile ka pelo ya gagwe. O ne a le mo gare ga dinaka tsa nare.

O ne a ntsha mogala wa gagwe go leba dinepe tsa gagwe le Merapelo. A nyenya fa a bona senepe sa bone ba ile kwa lentsweng la Sigiriya kwa Sri Lanka. Kabo o ne a kakatletse Merapelo ebile a tshaba go leba kwa tlase. Sefatlhego sa gagwe o ne o ka re motho a hupile sengwe se se botlhoko. Lekolwane la rona le ne le tshaba dilo tse di tlhatlogileng. Senepe se se ne sa mo lemotsha gore Merapelo o mo thusitse go fenya poifo e ya dilo tse di tlhatlogileng ebile kgwedi e e fetileng ba ne ba jele nala ba ile kwa kagong e telele go di feta tsotlhe mo lefatsheng, Burj Khalifa kwa Dubai. Mosepele wa bone wa kwa Sri Lanka e ne e le mongwe wa mesepele ya bone e Kabo a e ratileng. Dinepe tsotlhe tsa ba ile go tshwara logaba di ne di supa Merapelo a jela Kabo. Kabo a nyenya. “Fa o bona ke sena lerago jaana ke gore o nna o njela mosadi ke wena,” o ne a tshela rumola Merapelo. 

Fa a goroga fa dinepeng tsa bone tsa kwa Maldives, mosimane a utlwa a tlalelwa. Merapelo o ne a se montle o ne roba sekale. Letlalo la gagwe le lentshonyana le ne le le borethe, monyenyo wa gagwe o le mosweu ka meno a a lekanang. Fa o mo tswa kwa morago o ne o lemoga sentle bontle gore o tswa go pota Dibete ka kwa. Bontle jwa gagwe bo ne bo ka thuba sekapa ditshwantsho ka e ne e se jo bo ka phuthelwang. Boitumelo o ne a rata dinepe tsa ga Kabo le Merapelo kwa Maldives, ba rapame fa thoko ga lewatle le le botala jo bo tlhapileng, mo motlhabeng o mosweusweu twaa! Keledi ya rotha matlhong a ga Kabo fa a gopola gore o ne a ikaeleletse go boela Maldives le Merapelo go ya go mo kopa go timola mmaagwe lenyora. 

Merapelo ke ngaka e e tlotlegang ya botsogo jwa basadi le bana ba bannye. Ngogola Kabo o ne a mo patile go ya Geneva, Switzerland go amogela tlotla e e neng e mo akgolela tiro ya gagwe e ntle mo mafatsheng a Aforika. Kabo o ne a le motlotlo ka Merapelo. Le dinepe tsa moletlo wa teng di ne di supa. Mo go se sengwe Kabo o ne a tsholeditse Merapelo a mo itumeletse. “Mosadi mongwe le mongwe gongwe le gongwe o na le tshwanelo ya botsogo jo bo rileng,” merapelo o ne a tlhola a bua gongwe le gongwe kwa a neng a na le tshono ya go lwela ditshwanelo tsa bomme tsa botsogo jwa tlhakanelo dikobo. Kabo o ne a le motlotlo. 

Letsatsi le ne le setse le phirima fa a tima mogala wa gagwe a bo a tsena mo koloing ya gwe ya motlakase a leba kwa lebaleng la difofane. Ene le merapelo ba ne ba tswa kgakala. O ne a ya go mo tsamaisa sentle le go mo lebogela tsotlhe tse di molemo tse a di tsisitseng mo botshelong jwa gagwe. O ne a tsere tshwetso gore ga a na go leka go mo fetola tlhaloganyo. O ne a tshepha Merapelo gore fa a tsere tshwetso ya gore ba kgaogane, o e akantse ka sebaka. Kabo o ne a dumela gore ga a na go pateletsa ope go mo rata, le eseng moratiwa wa pelo ya gagwe. Letsatsi le phirimile koloi ya gagwe puruletse e lebile lebaleng la difofane la Sir Seretse Khama. 

Mma Pelo

Published 29 July 2018

Go ne go rile tu! Go sena le fa e le mokgwasanyana. "Koko! A naare golo fa ga go nne batho?" ga botsa mosadimogolo Mma Pelo a goroga go tswa ditlaaganeng. Selepara ya gagwe e ne e fedile sola, serethe se supa manga a a sisimosang mmele. Monwana wa kgonotšwe o ne o okometse o ka re banyana ba ba fa ba ba ratang dikgang tsa batho. Ka a ne a tlhaetse, o ne a thatholola mogagolwane o a neng a ithathile ka one a o ala fatshe gore a tle a emele ngwana wa ngwana wa gagwe a itheeditse fa moriting wa setlhare se se fa pele ga ntlo. Fa e ne e se matlho a segolo go fela bogale, o ka bo a šakgaditswe ke matlakala a a ntseng maanyaanya mo lwapeng.

Mma Pelo go re o a itheetsa, a tlanngwa ke kgofe. O tswa go tsosiwa ke go duma ga mala ka thapama. O ne a sa le a tshwere logaba nako ya di bolola. Kante mme Dianokeng o kae? Mosadimogolo o ne a simolola go itewa ke ditshikarego. A o raya gore go ka tuulala mo go kanakana? Ka go ne go setse go fifala, Mma Pelo o ne a ikgogela ka fa baagisanying go kopa sengwe go tshegetsa mowa. "Dianokeng gompieno o ntshotlile," a tlhalosetsa monnamogolo Ra Thuso. E rile go mo kgwa kgaba a re, "Re bona fela jalo. Bana ba segompieno ba re latlhile batsadi ba bone. Fa o bona ke kokometse ke le nosi jaana, moratshwana wa motse o o kukumologile otlhe wa leba Jwaneng. Selo ga twe Mmantshwabisi se swabisa batsadi."

*  *  *

Metsotswana morago ga koloi ya bo Dianokeng e sena go feta Sese o ka re lerumo, ga utlwala thuu! E rile a tla go goroga ditsebeng tsa ga Mma Pelo mafoko a kotsi, a mo felela a le tlhaeng. Ngogola o ne a sa tswa go fitlha ngwana wa gagwe wa bofelo, motsala Dianokeng. Dikeledi di ne di kgadile matlhong a mosadimogolo. O ne a gopola mafoko a ga monnamogolo Galephirime a go re boo matsalaagwe ga ba itumelela gore o lema tshimo ya bone, beng ba yone ba le teng. O ne a ka dirang jaanong? O fitlhetswe a ithobaletse le badimo letsatsi le le latelang le tlhaba. Ba botsogo ba ne ba tlhomamisa fa a ne a ikentile ka mokento wa gagwe wa sukiri go fetisa selekanyo. Lolwapa lwa sala lo rile tu! Go sena le fa e le mokgwasanyana.

_______

Ke isa malebo go motsadi wa me o o nkgakolotseng ka lorato ka tiriso ya maele mangwe, mme mma Pinkie Kekobilwe!