Published 29 July 2018
Go ne go rile tu! Go sena le fa e le mokgwasanyana. "Koko! A naare golo fa ga go nne batho?" ga botsa mosadimogolo Mma Pelo a goroga go tswa ditlaaganeng. Selepara ya gagwe e ne e fedile sola, serethe se supa manga a a sisimosang mmele. Monwana wa kgonotšwe o ne o okometse o ka re banyana ba ba fa ba ba ratang dikgang tsa batho. Ka a ne a tlhaetse, o ne a thatholola mogagolwane o a neng a ithathile ka one a o ala fatshe gore a tle a emele ngwana wa ngwana wa gagwe a itheeditse fa moriting wa setlhare se se fa pele ga ntlo. Fa e ne e se matlho a segolo go fela bogale, o ka bo a šakgaditswe ke matlakala a a ntseng maanyaanya mo lwapeng.
Mma Pelo go re o a itheetsa, a tlanngwa ke kgofe. O tswa go tsosiwa ke go duma ga mala ka thapama. O ne a sa le a tshwere logaba nako ya di bolola. Kante mme Dianokeng o kae? Mosadimogolo o ne a simolola go itewa ke ditshikarego. A o raya gore go ka tuulala mo go kanakana? Ka go ne go setse go fifala, Mma Pelo o ne a ikgogela ka fa baagisanying go kopa sengwe go tshegetsa mowa. "Dianokeng gompieno o ntshotlile," a tlhalosetsa monnamogolo Ra Thuso. E rile go mo kgwa kgaba a re, "Re bona fela jalo. Bana ba segompieno ba re latlhile batsadi ba bone. Fa o bona ke kokometse ke le nosi jaana, moratshwana wa motse o o kukumologile otlhe wa leba Jwaneng. Selo ga twe Mmantshwabisi se swabisa batsadi."
* * *
Metsotswana morago ga koloi ya bo Dianokeng e sena go feta Sese o ka re lerumo, ga utlwala thuu! E rile a tla go goroga ditsebeng tsa ga Mma Pelo mafoko a kotsi, a mo felela a le tlhaeng. Ngogola o ne a sa tswa go fitlha ngwana wa gagwe wa bofelo, motsala Dianokeng. Dikeledi di ne di kgadile matlhong a mosadimogolo. O ne a gopola mafoko a ga monnamogolo Galephirime a go re boo matsalaagwe ga ba itumelela gore o lema tshimo ya bone, beng ba yone ba le teng. O ne a ka dirang jaanong? O fitlhetswe a ithobaletse le badimo letsatsi le le latelang le tlhaba. Ba botsogo ba ne ba tlhomamisa fa a ne a ikentile ka mokento wa gagwe wa sukiri go fetisa selekanyo. Lolwapa lwa sala lo rile tu! Go sena le fa e le mokgwasanyana.
_______
Ke isa malebo go motsadi wa me o o nkgakolotseng ka lorato ka tiriso ya maele mangwe, mme mma Pinkie Kekobilwe!