Published 20 October 2018
“Mmotlana! Ema fa,” Otlaadisa a tlhaeletsa Mothusi. Matlho a mokola a ne a le mo lokwalong lo a neng a lo bala a tsamaya. “O tla thulwa ke dikoloi,” Otlaadisa a akgela Mothusi a sena go lemoga fa a leka go bua le ene. O ne a ntsha ditshamekapina mo ditsebeng tsa gagwe. “OT! O a nkitse gore ke bala ke tsamaya” a mo kgwa kgaba. Mothusi e ne e le ngwana yo batsadi le barutabana ba motsana wa Diphiring ba neng ba le motlotlo ka ene. O ne a le maitseo, a le phepa, ebile e le moithuti wa tlhotlhwa. “Ke pitlagane mmotlana, a ga o kake wa nkadima lekgolo foo? Ke tla le busa beke e tlang ke sena go fetsa go rulela ntlo ya ga Mma Ontiretse” ga itela Otlaadisa. Mothusi a nyenya. Ke fa a ntsha bukana e tshetlha mo kgetsaneng ya gagwe ya dibuka. A pitikolola ditsebe tsa buka e go senka tsebe e sa kwalelwang sepe. Ditsebe tsa buka e ne di ne di tletse dipalo le maina a batho.
* * *
Mogokgo wa sekolo se segolwane sa Diphiring le barutabana ba gagwe ba ne ba tlhophile Mothusi go nna moeteledipele wa baithuti botlhe. Bophepa, maitseo, le bonatla jwa gagwe di ne di ba kgatlhile. Maikarabelo a matona a ga Mothusi e ne e le go thusa barutabana go tlhomamisa fa baithuti ba ne ba obamela melao ya sekolo. Mothusi o ne a lemogile fa go na le baithuti bangwe ba ba neng ba rekisa dimonamone mo sekolong le mororo go ne go sa letlelelwe. Bontsi jwa baithuti ba, e ne le bana ba ntlo ya lehuma. Mothusi o ne a tlhaloganya seemo sa bone ka gore lehuma o ne a sa le bolelwe ke motho. O ne a itse botlhoko jwa go lala mala a patagane. Fa e sa le rraagwe a tlhokafala dingwaga tse di lesome tse di fetileng, mmaagwe Mothusi o ne a gama a ikotelela. Loruonyana lwa ga rraagwe bomonnawe ba sa le ba re di jelwe ke bophokoje morago ga phitlho. Mothusi o ne a tlelwa ke leano la go dira madi kwa sekolong le ene. Mathata o ne a le boi a sa batle go roba melao ya sekolo. Segolo bogolo ka a ne a tshephiwa mo go kanakana.
“Leano la me le motlhofo,” Mothusi a tlotlela Thabo le Kabelo. “Lo nneela madi a lona, re adimisa batho ka morokotso wa masome a mararo le botlhano mo lekgolong”. Thabo le Kabelo e ne e le bana ba dishabi ebile e le ditsala tsa ga Mothusi. Mothusi o ne a ba bolelela leano la gagwe la go dira madi. O ne a lemogile fa baithuti ba ba rekisang dimonamone ba ne ba tle ba rekisetsa baithuti ba ba senang madi ka sekoloto. Maikaelelo e ne e le go ba emisa go kolotisa batho. Batho ba ba neng ba a go kolota, ba tla bo ba romelwa kwa go ene go ba adima madi ka morokotso. Ka jalo barekisi ba dimonamone ba tswelela ba rekisa, fa Mothusi le lekoko la gagwe ba dira madi ka morokotso. Erile Mothusi a bontsha Thabo le Kabelo madi a ba a ka a dirang ka beke fela fa kgwebo e tsweletse, ba se ka ba diega go mo neela dipula di le masome a supa le botlhano.
“Thuso, kana go tshola le go goga motokwane ga go letlelelwe mo sekolong ebile o ka ya kgolegelong lobaka lo loleele,” ga bua Mothusi. Go ne go le Mosupologo maphakela. Paka ya gagwe ya sekolo e ne e gatisitswe, ditlhako di phatsima o ka re seipone, le moriri wa gagwe o o dingalo a o kamile, ebile a kgamile katse. Thuso ene o ne a apere hempe e e tshutshumang jaaka thamo ya gagwe, ditlhako o ka re di kopane le diphefo tsa Phatwe, fa moriri o le dikgobe tse di ka robang kamo meno. “Ke tla go shapa o tle o phaphe!” ga fetola Thuso ka boikgantsho. “O lebetse thupa ya ga mogokgo?” ga fetola Mothusi a wetse dibete. “Gape ke kanna ka raya Kganka a tla go mpuela le wena”. Kganka o ne a tshabega sekolo sotlhe. Mothusi o ne a lemoga fa go na le batho ba ba mo tsenyang dingalo go mo duela fa ba adimile madi. Ka jalo o ne a tshosetsa Kganka le Thuso gore ba tle ba mo kgerisetse batho ba ba sa batleng go mo duela.
“O seka wa mpolaya tlhe nnaka,” Otlaadisa a ikuela fa Mothusi a santse a senka tsebe e e sa kwalelang sepe. “O raya jang jaanong?” Mothusi a botsa. “A o raya gore ga o fokotse morokotso. Masome a mabedi mo lekgolong bogolo?” Otlaadisa a tswelela. Kgwebo ya go adimisa madi e ne e atlegile thata. Mothusi o ne a buseditse Thabo le Kabelo madi a bone a menagane ga tlhano. O ne a simolotse go adimisa kwa ntle ga sekolo. O ne a lemogile fa batho ba motse ba ne ba adima madi a magolwane mme ebile ba duela mo go nametsang. Gangwe le gape o ne a tle a latlhelele Kganka le Thuso sengwenyana. A fetsa le Otlaadisa, ba baya menwana mo tsebeng ya buka, a bo a tswelela le mosepele wa gagwe Mothusi. Matlho a ngaparetse buka gape. O ne a itse gore thuto e tsile go mo ntsha mo lehumeng. O ne a nyenya fa a gopola mafoko a ga mmaagwe a metlha yotlhe, “Lehuma ga se lobadi, ke leswe le a tlhapega”.