Published 14 October 2018
“Ke motho fela ga go gontsi mo ke ka go go neelang, mme pelo ya me o ka e tsaya yotlhe,” ga fetola Kabo a sutlha keledi mo lerameng la mokapelo wa gagwe Merapelo. Bobedi jo bo ne bo ntse mo setilong fa lotshitshing lwa lewatle. Ngwedi o ne a tlhapile, dinaledi le tsone di sa batle go jesa dithaga mabele a kwa ga tsone. Makhubu mo lewatleng a ne a wa a bo a tsoga ka iketlo. E rile a mo kgwa kgaba, mosetswana a re, “Tanki tlhe rra wena, ke ne ke sa solofela fa o tsile go tlhaloganya jaana.” Maikutlo a ne a ile godimo, mafoko a ba feletse tlhaeng. Go ne ga feta metsotswana ba atlane ka tidimalo. Le phefo e e serame e e neng e foka e ne e ka seke ya ba tsena gare. “Tladimothwana?” “Ao rra, nna ebile o ne o mphedisa pelo!”
* * *
Dikeledi tse di neng di itshekile matlhong a ga Kabo tsa wa fa kgaitsadie, Boitumelo, a mmotsa gore a tsotlhe di apere tshiamo. Boitumelo o ne a sa jisiwe (jesiwe?) diwelang ke bodutu jo bo sa tlwaelesegang jo bo neng bo okame Kabo. Monyenyo wa go ka kgaphisa letsatsi sethitho o sefatlhego sa gagwe se o aparang ka metlha o ne o nyeletse. “Merapelo o dule le tsa ga Ramotadima,” a fetola. “Uhu! E le gore o a bo o rileng ngwana wa batho?” ga botsa Boitumelo. Kabo a tshikhinya tlhogo a bo o tswela kwa ntle go ya go iphokisa phefo. O ne a sa itse gore a arabe kgaitsadie jang. Mo ntlheng e nngwe, o ne a tlhaloganya gore kgaitsadie o buisiwa ke gore batho ba borre ba ne ba dirile go tshameka ka maikutlo a bomme selo modiro. Mme ka fa, o ne a tlalelwa fa a gopola gore mokapelo wa gagwe o ketile ka pelo ya gagwe. O ne a le mo gare ga dinaka tsa nare.
O ne a ntsha mogala wa gagwe go leba dinepe tsa gagwe le Merapelo. A nyenya fa a bona senepe sa bone ba ile kwa lentsweng la Sigiriya kwa Sri Lanka. Kabo o ne a kakatletse Merapelo ebile a tshaba go leba kwa tlase. Sefatlhego sa gagwe o ne o ka re motho a hupile sengwe se se botlhoko. Lekolwane la rona le ne le tshaba dilo tse di tlhatlogileng. Senepe se se ne sa mo lemotsha gore Merapelo o mo thusitse go fenya poifo e ya dilo tse di tlhatlogileng ebile kgwedi e e fetileng ba ne ba jele nala ba ile kwa kagong e telele go di feta tsotlhe mo lefatsheng, Burj Khalifa kwa Dubai. Mosepele wa bone wa kwa Sri Lanka e ne e le mongwe wa mesepele ya bone e Kabo a e ratileng. Dinepe tsotlhe tsa ba ile go tshwara logaba di ne di supa Merapelo a jela Kabo. Kabo a nyenya. “Fa o bona ke sena lerago jaana ke gore o nna o njela mosadi ke wena,” o ne a tshela rumola Merapelo.
Fa a goroga fa dinepeng tsa bone tsa kwa Maldives, mosimane a utlwa a tlalelwa. Merapelo o ne a se montle o ne roba sekale. Letlalo la gagwe le lentshonyana le ne le le borethe, monyenyo wa gagwe o le mosweu ka meno a a lekanang. Fa o mo tswa kwa morago o ne o lemoga sentle bontle gore o tswa go pota Dibete ka kwa. Bontle jwa gagwe bo ne bo ka thuba sekapa ditshwantsho ka e ne e se jo bo ka phuthelwang. Boitumelo o ne a rata dinepe tsa ga Kabo le Merapelo kwa Maldives, ba rapame fa thoko ga lewatle le le botala jo bo tlhapileng, mo motlhabeng o mosweusweu twaa! Keledi ya rotha matlhong a ga Kabo fa a gopola gore o ne a ikaeleletse go boela Maldives le Merapelo go ya go mo kopa go timola mmaagwe lenyora.
Merapelo ke ngaka e e tlotlegang ya botsogo jwa basadi le bana ba bannye. Ngogola Kabo o ne a mo patile go ya Geneva, Switzerland go amogela tlotla e e neng e mo akgolela tiro ya gagwe e ntle mo mafatsheng a Aforika. Kabo o ne a le motlotlo ka Merapelo. Le dinepe tsa moletlo wa teng di ne di supa. Mo go se sengwe Kabo o ne a tsholeditse Merapelo a mo itumeletse. “Mosadi mongwe le mongwe gongwe le gongwe o na le tshwanelo ya botsogo jo bo rileng,” merapelo o ne a tlhola a bua gongwe le gongwe kwa a neng a na le tshono ya go lwela ditshwanelo tsa bomme tsa botsogo jwa tlhakanelo dikobo. Kabo o ne a le motlotlo.
Letsatsi le ne le setse le phirima fa a tima mogala wa gagwe a bo a tsena mo koloing ya gwe ya motlakase a leba kwa lebaleng la difofane. Ene le merapelo ba ne ba tswa kgakala. O ne a ya go mo tsamaisa sentle le go mo lebogela tsotlhe tse di molemo tse a di tsisitseng mo botshelong jwa gagwe. O ne a tsere tshwetso gore ga a na go leka go mo fetola tlhaloganyo. O ne a tshepha Merapelo gore fa a tsere tshwetso ya gore ba kgaogane, o e akantse ka sebaka. Kabo o ne a dumela gore ga a na go pateletsa ope go mo rata, le eseng moratiwa wa pelo ya gagwe. Letsatsi le phirimile koloi ya gagwe puruletse e lebile lebaleng la difofane la Sir Seretse Khama.